baakanya dikgolaganyo tsa didirisiwa tsa modumo tsa bluetooth le dibontshi tse di senang mogala mo windows 10

Baakanya dikgolaganyo tsa didirisiwa tsa modumo tsa Bluetooth le dibontshi tse di senang mogala

Sediriswa sa modumo sa Bluetooth

Fa o tobetsa konopo yaGolagana mo lefelotiragatsong o bo o sa bone sediriswa sa gago, leka se se latelang:
Tlhomamisa gore sediriswa sa gago sa Windows se tshegetsa Bluetooth le gore e tshubilwe. O tla bona konopo ya Bluetooth mo lefelotiragatsong.


Fa o sa bone konopo ya Bluetooth, leka go ntšhwafatsa selaodisi sa sediriswa sa gago. Jaana: E ya go Simolola, tsenya Selaola Sediriswa, se tlhophe go tswa mo lenaaneng la dipholo, go tswa foo, mo Selaola Sediriswa, batla sediriswa sa gago, se tobetsa ka konopo ya kafa mojeng (kgotsa tobetsa o bo o nna o tshwere), tlhopha Ntšhwafatsa Serweboleta sa Selaodisi, tlhopha Phuruphutsha ka itiriso serweboleta se se ntšhwafaditsweng sa selaodisi, go tswa foo o bo o latela dikgato tse di setseng.
Fa Bluetooth e tshubilwe, mme le selaodisi se ntšhwafaditswe, mme sediriswa sa gago se sa ntse se sa dire, leka go tlosa sediriswa seno o bo o dira kgokaganyo e nngwe fape. Jaana: Ya go Simolola, tsenya Didiriswa tlhopha Bluetooth tlhopha sediriswa, tlhopha Tlosa sediriswa o bo o leka go gokaganya gape.
Tlhomamisa gore sediriswa sa modumo se se nang le Bluetooth se tshubilwe e bile se kgona go bonwa. Gore o dira seno jang go a farologana go ya ka didiriswa tse di farologaneng, ka gone tlhola tshedimosetso e e tlileng le sediriswa sa gago kgotsa o ye kwa webosaeteng ya motlhami.

Didiriswa tsa miracast

Fa e re fa o tobetsa konopo yaGolagana mo lefelotiragatsong o bo o sa bone sediriswa sa gago, leka se se latelang:
Tlhomamisa gore sediriswa sa gago sa Windows se tshegetsa Miracast ka go tlhola tshedimosetso e e duleng le sone kgotsa ka go ya kwa webosaeteng ya motlhami.
Tlhomamisa gore Wi-Fi e tshubilwe.
Tlhomamisa gore sebontshi se o batlang gore go bonale mo go sone se tshegetsa Miracast le gore se tshubilwe. Fa se sa dire, o tla tlhoka segokaganyi sa Miracast (se ka dinako tse dingwe se bidiwang “donkele”) se se polakiwang mo setshwaraganying sa HDMI.

Didiriswa tsa WiGig

Fa o tobetsa konopo yaGolagana mo lefelotiragatsong o bo o sa bone sediriswa sa gago, leka se se latelang:
Tlhomamisa gore sediriswa sa gago sa Windows se tshegetsa WiGig e bile se tshubilwe. Fa PC ya gago e tshegetsa WiGig, o tla bona konopo ya WiGig mo Diseting > Seemo sa mo sefofaneng
Tlhomamisa gore sebontshi se tshegetsa WiGig. Fa se sa e tshegetse, o tla tlhoka segokaganyi sa WiGig.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *