tsela ya go dirisa dialamo mo windows 10

Tsela ya go dirisa Dialamo le Sediriso sa tshupanako

Phimola kgotsa diegisa dialamo

Dialamo di tla lela tota le fa sediriso se tswetswe, modumo o timilwe, PC ya gago e notletswe, kgotsa (mo dilepothopong kgotsa ditheboleteng dingwe tse dintšhwanyana tse di nang le InstantGo), mo seemong sa Timonakwana.

Mme ga di ka ke tsa dira fa PC ya gago e bobile kgotsa e timile. Tlhomamisa gore PC ya gago e nna e polakilwe mo maatleng a AC go dira gore e se ke ya boba.
Go diegisa kgotsa go phimola alamo:
Mo kitsisong e e tlhagelelang, tlhopha Phimola go e tima, kgotsa Diegisa gore e lele gape morago ga lobakanyana.
Fa kitsiso e tswala pele o fitlha mo go yone, tlhopha lefelotiragatso mo sekhutlwaneng sa moja kwa tlase go e bona mo lenaaneng o bo o e tlhopha go tswa foo.
Fa sekerini sa gago se notletswe, kitsiso ya alamo e tlhaga kwa godimo mo sekerining sa totlelo, mme o ka e tima go tswa foo.

Ke eng se se ntšhwa

Sediriso sa Dialamo le Tshupanako se kopanya tshupanako ya alamo le ditshupanako tsa lefatshe, selekanyanako, le stopwatch Dilo di le mmalwa tse o ka di dirang ka sediriso seno ke tseno:
Utlwa, diegisa, le go phimola dialamo tota le fa sekerini se notletswe kgotsa modumo o timilwe
Tlhopha medumo e e sa tshwaneng kgotsa mmino wa gago wa alamo
Bapisa dinako go tswa mo lefatsheng lotlhe

Ditshupanako tsa lefatshe

Eno ke tsela ya go tsenya lefelo le go bapisa dinako go tswa mo lefatsheng lotlhe:
Mo sedirisong sa Dialamo le Tshupanako, tlhopha Tshupanako ya Lefatshe, go tswa foo Ntšhwa + kw tlase.
Tsenya ditlhaka di sekae tsa ntlha tsa lefelo le o le batlang, o bo o le tlhopha mo lenaaneng la peotlase. Fa o sa bone lefelo le o le batlang, tsenya le lengwe le le mo kgaolong e e tshwanang ya nako.
Tlhopha Bapisa dinako (ditshupanako tse 2 kwa tlase), go tswa foo sutisa selaedara go tlhopha nako e ntšhwa go e bapisa. Tlhopha lefelo mo mmapeng go fetola lefelo le selaedara se le supileng.
Go tswa mo seemong sa Bapisa Dinako, tlhopha Konopo ya Morago, kgotsa tobetsa Esc.

tsela ya go dirisa dialamo mo windows 10
tsela ya go dirisa dialamo mo windows 10

 

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *