baakanya dikgolaganyo tsa didirisiwa tsa modumo tsa bluetooth le dibontshi tse di senang mogala mo mobaeleng wa windows 10

Baakanya dikgolaganyo tsa didirisiwa tsa modumo tsa Bluetooth le dibontshi tse di senang mogala

Sediriswa sa modumo sa Bluetooth

Fa e re fa o tobetsa konopo yaGolaganamo lefelotiragatsong o bo o sa bone sediriswa sa gago sa modumo se se nang le Bluetooth, leka seno:
Tlhomamisa gore sediriswa sa gago sa Windows se tshegetsa Bluetooth le gore e tshubilwe.

O tla bona konopo ya Bluetooth mo lefelotiragatsong.
Tlhomamisa gore sediriswa sa modumo se se nang le Bluetooth se tshubilwe e bile se kgona go bonwa. Gore o dira seno jang go a farologana go ya ka didiriswa tse di farologaneng, ka gone tlhola tshedimosetso e e tlileng le sediriswa sa gago kgotsa o ye kwa webosaeteng ya motlhami.
Fa o batla didiriswa tse dingwe tse di nang le Bluetooth ntle le tsa modumo, ya kwa tsebeng ya Diseting tsa Bluetooth. Ya go Diseting, tlhopha Didiriswa, tlhopha Bluetooth tlhopha sediriswa, tlhopha Tlosa sediriswa o bo o leka go gokaganya gape.

Didiriswa tsa Miracast

Fa e re fa o tobetsa konopo yaGolaganamo lefelotiragatsong o bo o sa bone sediriswa sa gago, leka seno:
Tlhomamisa gore sediriswa sa gago sa Windows se tshegetsa Miracast ka go tlhola tshedimosetso e e tlileng le sone kgotsa ka go ya kwa webosaeteng ya motlhami.
Tlhomamisa gore Wi-Fi e tshubilwe.
Tlhomamisa gore sebontshi se o batlang gore go bonale mo go sone se tshegetsa Miracast le gore se tshubilwe. Fa se sa dire, o tla tlhoka segokaganyi sa Miracast (se ka dinako tse dingwe se bidiwang “donkele”) se se polakiwang mo setshwaraganying sa HDMI.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *